
Komiti ya dipuo ya Bokonebophirima ka tshwaraganelo le PAN South African Language Board(PanSALB) di ne di keteka moletlo wa go tlotla letsatsi la boditshaba la puo ya ga Mme le dikabo tsa borobongwe tsa barutwana ba ba gaisitseng mo dirutweng tsa dipuo, ba Marematlou. Moletlo o ne o ketekelwa kwa Taung Hotel School, kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati fa gautshwane.

Fa a tlhalosa maitlhomo a moletlo, Modulasetilo wa komiti, Rre Goitsemodimo Seleka, o tlhalositse fa e le maikarabelo a komiti go rulaganya ketekomoletlo ya mofuta o ngwaga le ngwaga. Modulasetilo o kopile gape le maitshwarelo go batlamoletlong, a go tshwara moletlo thari mo ngwageng o, ka ntlha ya mabaka a a seng ka fa tlase ga taolo ya Komiti ya Dipuo ya Porofense. O gateletse thata ntlha ya go tshwaragana le go dira ka natla mo go netefatseng gore thuto ya ngwana wa mmala wa sebilo, e a godisiwa.

Rre Seleka o gwetlhile maphata otlhe a a amegang mo thutong le thotloetso ya dipuo jaaka, Lefapha la Thuto, PanSALB, Komiti ya Dipou ya porofense ya Bokonebophirima, Yunibesiti ya Bokonebophirima, gammogo le Baemanokeng le Batsaakarolo botlhe , go netefatsa kitlano le tshwaragano mo thotloetsong ya dipuo tse di atlenegisitsweng go rutiwa mo porofenseng ya Bokonebophirima.
Fa ba arabela boikuelo jwa ga Rre Goitsemodimo Seleka, maphata a a amegang jaaka Lefapha la Thuto a tlhalositse fa e le nnete, ngwana sejo a tlhakanelwa. Mo boemong jwa Lefapha la Thuto, Mme botsang Lekome, o amogetse gore Lefapha le tla netefatsa gore dipuo di tswelela go godisiwa le go fiwa seemo se se di tshwanetseng. Mme Lekome o tlhalositse gape gore lefpha le setse le gatetse pele mo go emeng dikolo nokeng mo go rotloetseng tiriso ya dipuo, bogolo jang puo ya ga Mme kgotsa Setswana. O kaile fa le Mokhuduthama Matsemela a kaile ka go rebolwa ga dipholo tsa Marematlou tsa monogwaga gore Setswana se tsewe tsie kwa dikolong gonne maduo a sona ga a digele lefapha pelo fa a bapisiwa le dirutwa tse dingwe.
Maphata a mangwe a a emang kgodiso ya Setswana nokeng, jaaka Lekgotla la Bosetshaba la Puo ya Setswana le lona le ne la iteela go godisiwa ga puo monwana, ka kemedi Rre Ogodiseng Mokakale.

Yunibesiti ya Bokonebophirima mo Yuniting ya Bosetshaba ya Thanodi, le yona e ne ya tlhalosa fa go le botlhokwa go netefatsa gore mareo le dithanodi tsa Setswana tse di tlhotlhilweng sentle, di tsengwa tirisong ka ponyo ya leitlho. Molaetsa o o ne o gasiwa ke Rre Gaoretelelwe Phuti wa yona Yuniti ya Bosetshaba ya Thanodi go tswa mo Yunibesiting ya Bokonebophirima ebile a gatelela gore setheo se teng go thusa fa thuso e tlhokagalang teng, ka ga Dithanodi.
Baithuti ba le robongwe(9) ba ba gaisitseng mo ngwageng wa 2021 mo dipuong tse di farologaneng ba ne ba atswiwa ka dimpho tse di farologaneng go ya ka dipuo le maduo a bone.
Ramokopelwa Gogontle e nile morutwana wa mophato wa 12 yo o gaisitseng mo serutweng sa Setswanapuotlaleletso ya ntlha mo ngwageng ya 2021 mo porofenseng ya Bokonebophirima. Ena o atswitswe ka R6 000.00, TROPHY, Bilingual Dictionary, iPad le certificate.
Diratsagae Nomvuyo ke morutwana wa Mophato 12 yo o gaisitseng mo serutweng sa Setswana Puogae mo ngwageng ya 2021 mo Porofenseng ya bokonebophirima. Ena o ikgapetse, iPad, Bilingual Dictionary, Certificate, Trophy le R10 000.00.
Motsemme Petrus ke moithuti ya sehlopheng sa 12 ya ipabotseng Puong yah abo ya Sesotho selemong sa 2021 Porofenseng ya Leboyabophirima. Empa ena o amohetse, iPad, Bilingual Dictionary, Certificate, Trophy hammoho le R10 000.00.
Holm June is the top grade 12 learner in English First Additional Language for the year 2021 in the North West Province. The learner received an iPad, Bilingual Dictionary, Certificate, Trophy and R6 000.00.
Sherley Eloise Elizabeth is the top Grade 12 learner in English Home Language for the year 2021 in the North West Province. The learner received iPad, Bilingual Dictionary, Certificate, Trophy and R10 000.00.
Gaolatlhe Motlagomang is the top Grade 12 learner in South African Sign Language Home Language for the year 2021 in the North West Province. The learner was awarded iPad, Bilingual Dictionary, Certificate, Trophy and R10 000.00.
Siebert Maria was die beste Graad 12 leerder in Afrikaans Eerste Addisionele Taal vir die jaar 2021in die Noordwes-Provinsie. Sy het iPad, Bilingual Dictionary, Certificate, Trophy and R6 000.00, kry.

-NW Education
-Edu Update
-Communication Directorate
-PanSALB



